Maikemisetsomagolo
Go laola maatla a intaseteri go ya ka melao ya mmuso, dipholisi, maemo le mekgwa ya maemo a a kwa godimo a boditšhabatšhaba go tshegetsa tlhabololo e e tswelelang.
Bolaodi jwa Motlakase jwa Bosetšhaba (NER) ke bothati jwa bolaodi jwa Inatseteri ya Tlamelo ya Motlakase (ESI) mo Aforika Borwa. Ke mokgatlho wa semolao, o o theilweng go ya ka Molao wa Motlakase No. 41 wa 1987 jaaka o tlhabolotswe ka 1994 le 1995.
Go laola intaseteri ya motlakase go ya ka melao ya mmuso, dipholisi, maemo le maemo a a kwa godimo a boditšhabatšhaba go tshegetsa tlhabololo e e tswelelang.
Go nna moeteledipele wa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng mo taolong ya motlakase.
NER e ka go thusa jang?
Molao wa Motlakase wa No. 41 wa 1987 jaaka o tlhabolotswe o naya NER dithata gareng ga tse dingwe, go rarabolola dikgotlhang magareng ga batlamedi ba motlakase le badirisi ba one, ga mmogo le magareng ga batlamedi ka bobone.
Fa o ssa kgotsofalela mokgwa o motlamedi wa motlakase wa gago a tshotseng ngongorego ya gago ka teng, NER e ka go thusa.
Gakologelwa gore lefelo la ntlha le o tshwanetseng go ya kwa go lone ke kwa motlameding wa gago wa motlakase (sekai, mmasepala, Eskom)
Dingongorego
Ke mefuta efe ya dingongorego e NER e ka go thusang ka yona? NER e tshwaragana le dingongorego tse dintsi tse di ka amanang le motlakase wa gago di akaretsa:
boleng jwa tirelo
Boleng jwa kabelo
Thomelo ya diakhaonto
Palo ya dimitara
Dikelotefo
Ke eng se o tshwanetseng go se dira?
Sa ntlha lebisa ngongorego ya gago kwa go motlamedi wa gago ka motlakase fa ngongorego ya gago e sa rarabololwe, leletsa, kwalela kgotsa romela imeili kwa
Lefapheng la Ditirelo tsa Badirelwa, mme o re re neele dintlha tsotlhe tse di maleba tsa ngongorego.
RE TLA DIRANA LE DINGONGOREGO TSA GAGO MO SEPHIRING LE KA BONAKO JO BO KGONAGALANG
SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
MAIKARABELO A BATLAMEDI
Tlamelo ya motlakase
Batlamedi botlhe ba motlakase ba selegae ba tshwanetse go nna le laesense e e ntshitsweng ke NER. Ga go na motlamedi ope wa motlakase yo o nang le tshwanelo ya go fetlha le go tlamela badirelwa ka motlakase ntle le tetla ya NER.
Motlamedi wa selegae wa motlakase ga a tshwanela go fetisetsa laesense ya gagwe ya go rebola motlakase kwa go motlamedi mongwe le mongwe kwa ntle ga tetla ya NER.
Motlamedi wa selegae wa motlakase ga a na tshwanelo ya go duedisa badirelwa kelotefo e e sa rebolwang ke NER kgotsa a duedisa mekgatlho ya teng ntle le tetla ya NER. Ka jalo badirelwa ba tla bo ba le mo tshwanelong ya bone go tswelela go duela kelotefo e e dumeletsweng le fa go na le kelotefo e ntšhwa e e seng mo molaong e e dirisiwang ke motlamedi wa selegae.
Go tlamela wena, modirisi, ka tirelo
Motlamedi wa selegae wa motlakase o rwele maikarabelo a go tlamela motlakase kwa setsheng kgotsa setene se se mo kgaolong ya gagwe ya tlamelo fela fa modirisi a kgona e bile a ikaletse go duelela tirelo e a e neelwang.
Motlamedi wa selegae wa motlakase o tshwanetse go neela badirelwa dikelotefo le kelo fa modirisi a dira kopo ya tirelo le fa a kopa.
Motlamedi wa selegae wa motlakase o tshwanetse go itsise badirelwa ba gagwe ka ga koketsego ya kelotefo, dikelotefo tse di farologaneng tebang le tlamelo ya motlakase le gore di dira jang gore ba kgone go tsya ditshwetso tse di botlhale fa ba dira kopo ya go tlamelwa ka motlakase. (Tsweetswe tlhokomela gore badirelwa, ka fa letlhakoreng le lengwe, ba rwele maikarabelo a go botsisa ka ga kelotefo e e ka siamelang ditlhokego tsa bone.)
Mo mabakeng a badirelwa ba ba dirisang motlakase o o duelelwang kwa pele, motlamedi wa selegae wa motlakase o rwala maikarabelo a go tlamela diteišene tse dikarata tsa motlakase di rekwang kwa go tsona. Diteišene tsa thekiso di tshwanetse go fitlhelelwa bonolo.
Ba rwala maikarabelo a go netefatsa gore seteišene sa thekisetso se butswe ka dinako tsa tiro mo malatsing a tiro, go tloga ka 8:00 go fitlha ka 12:00 mafelo a beke le ka malatsi a botlhe a boikhutso.
Motlamedi wa selegae a ka kgaola kgotsa a fokotsa tlamelo ya motlakase go modirisi fa:
Modirisi a sa kgone go duelela motlakase o a o dirisang kgotsa a tswelela go se duele morago ga go amogela kitsiso ya kgaolo go tswa go motshodi wa laesense;
Tumalano ya se e fitlheletswe le modirisi;
Kgokelelo e se e e bolokesegileng;
Modirisi a se na setifikeiti se se amogelesegang;
Go na le bopaki jwa gore modirisi o kgotlhakgotlhile kgotsa o kakologile mitara;
Modirisi o tlola melawana e e maleba;
Kgotsa modirisi o tšhonne.
Motlamedi wa selegae o rwele maikarabelo a go tlamela badirelwa ba gagwe ka motlakase o o ikanyegang le o o tswelelang le maikarabelo a go tlhokomela mafaratlhatlha go netefatsa gore boleng jo bo siameng jwa tlamelo.
Thomelo ya Tshupamolato
Motlamedi wa selegae wa motlakase o rwala maikarabelo a go neela modirisi:
Tshupamolato ya kgwedi le kgwedi e e bontshang palo ya diyuniti tse a d dirisitseng
Palelo ya mitara e e bontshang sentle palelo ya tshimologo le palelo ya paka tshupamolato le molato wa diyuniti tse di dirisitsweng
Fa go phopholeditswe palo ya diyuniti tse modirisi a di dirisitseng, tshupamolato e tshwanetse go bontsha se, le madi mangwe le mangwe a a duetsweng go feta kelo mo pakeng ya phopholetso a tshwanetse go balelwa mo akhaontong ya modirisi.
Mo mabakeng a e leng gore modirisi o a ngongorega, modirisi a ka kopa motlamedi go tlhatlhoba nepagalo ya mitara ka tuelo e e rileng, e e tla busiwang ke motlamedi fa go ka fitlhelwa e le gore mitara o fositse.
Fa go na le ngongorego, go botlhale gore modirisi a tswelele go duelela tiriso go tila go kgaolelwa ka gonne madi mangwe le mangwe a a dueletsweng kwa pele e ka re morago a busediwa modirisi.
Ke maikarabelo a modirisi go itsise motlamedi wa selegae fa a fuduga,kgotsa a batla gore tlamelo ya motlakase e emisiwe, kgotsa a batla gore o fetisediwe kwa tshupafelong e ntšhwa.
Thuto ya badirisi
Ke maikarabelo a motlamedi wa motlakase wa selegae go ruta badirisi ka ga manane a a babalesegileng, a a bokgoni le a a nonofileng ka ga tiriso ya motlakase kgotsa ka ga ntlha nngwe le nngwe e e amanang le tlamelo ya motlakase e e ka oketsang kitso le tiriso ya motlakase.
Ke maikarabelo a motlamedi wa motlakase wa selegae go itsise badirisi ka ga tshupamolato tse di farologaneng, gore di dira jang, ditlamorago le mosola wa tsona.
Dingongorego
Gakologelwa gore lefelo la ntlha le o tshwanetseng go ya kwa go lona ke la motlamedi wa motlakase wa gago wa selegae.
Modirisi o na le tshwanelo ya go ngongorega ka ga boleng jwa tirelo e e tlamelwang ke motlamedi wa selegae.
Fa modirisi a sa kgotsofalela mokgwa o ngongorego ya gagwe e tshotsweng ka teng, a ka nne fetisetsa ngongorego eo kwa NER go kopa thuso.
MAIKARABELO A BADIRISI
Tlamelo ya/go tsenngwa ga motlakase
Modirisi o rwala maikarabelo a go tsenngwa ga megala ya motlakase le go tsenngwa ga motlakase mo ntlong kgotsa mo bonnong kgotsa mo setsheng sa gagwe.
Ke maikarabelo a modirisi go bona ramotlakase yo o nonofileng go mo tsenyetsa motlakase.
Ke maiakarabelo a modirisi go netefatsa borutegi jwa ramotlakase le bonnete jwa setifikeiti se a se neetsweng tiro e e dirilweng.
Maiakarabelo a modirisi tebang le tlamelo a simolola kwa ntle go tsena ka fa setsheng sa gagwe. Sengwe le sengwe se se diragalang (go pota mitara ka kwa) kwa ntle ga molelwane wa setsha sa modirisi iske maikarabelo a motlamedi wa motlakase wa selegae. (Modirisi o rwala maikarabelo a didiriswa tse di ka fa gare ga setsha sa gagwe ntle le fa di sa tsenngwa mo tumalanong ya tlamelo.)
Modirisi o tshwanetse go nna le Setifikeiti se se amogelesegang sa Tiriso se se ntshitsweng ke ramotlakase yo o nonofileng le yo o kwadisitsweng yo o tsentseng motlakase kgotsa yo o tlhatlhobileng ntlo.
Modirisi o na le tshwanelo ya go ngongorega kwa NER fa motlamedi wa selegae yo o nang le laesense a ka gana kgotsa a diega go mo tlamela ka motlakase ntle le go neela tlhaloso e e utlwagalang.
Go duelela motlakase wa gago
Modirisi o rwele maikarabelo a go duelela motlakase o a o dirisitseng ka nako (mo nakong e e beilweng).
Modirisi o na le tshwanelo ya go ngongorega kwa motlameding wa motlakase wa selegae yo o nang le laesense fa a sa kgotsofalela boleng jwa tirelo e a e amogelang.
Fa modirisi a sa kgotsofalela mokgwa o ngongorego ya gagwe e tshotsweng ka one, o na le tshwanelo ya go fetisetsa ngongorego ya gagwe kwa NER e e tla batlisisang ngongorego mo boemong jwa modirisi.
Fa o dirile tumalano e e saennweng le motlamedi wa motlakase yo o nang le laesense go go tlamela ka motlakase, o tshwanetse go duela dipositi jaaka e tlhomamisitswe ke motlamedi wa selegae pele motlakase o ka gokelelwa.
Ke maiakarabelo a modirisi go ikgolaganya le motlamedi wa selegae fa a ntse a sa amogele ditshupamolato kgwedi le kgwedi.
Ke maikarabelo a modirisi go tswelela go duelela tiriso e e tsweletseng ya motlakase le fa a ka nna le ngongorego ka akhaonto /tshupamolato.
Ke maikarabelo a modirisi go sireletsa metšhini, didiriswa tsa eleketeroniki kgotsa sediriswa sengwe le sengwe kgatlhanong le tlhatlogo ya ka bonako ya motlakase.
Fa go nang le tlhokego e e tswelelang motlakase, ke maikarabelo a modirisi go tsenya tlamelo e e ikemetseng ya motlakase.
Ka ntlha ya gore kgaogo ya motlakase ga e ka ke ya tilwa, ke maikarabelo a modirisi go tsaya dikgato tse di maleba go ipaakanyetsa ditlamorago tsa teng.
THEKISO GAPE YA MOTLAKASE
Thekiso gape ya motlakase ke eng?
Thekiso gape ya motlakase ke fa mongwe mo tlhatlhamanong ya tlamelo a reka motlakase o montsi go tswa kwa go motlamedi, mme a o rekisetse batho ba bangwe mo tlhatlhamanong eo. Pamfolete e e tlhalosa kamano ya go rekisiwa gape magareng ga moreki (morekisi-gape/mongsetsha) yo o rekang go tswa kwa motlameding wa selegae wa motlakase, mme a o rekisetse modirisi wa bofelo (mokopaboroko/mong).
Thekiso-gape ya motlakase e diragala leng?
Thekiso-gape ya motlakase e diragala fa motlakase o tlamelwa ka bontsi, kwa mafelong a e leng a motho a le mongwe yo le ena a o rekisetsang bakopaboroko kgotsa beng mo mafelong ao.
Mafelo e ka nna difolete, setlhopha sa matlo, marekelo, madirelo, moago wa diofisi, jalo le jalo.
Ntlha nngwe e e tlhagelelang ya mokgwa o ke ke gore bakopaboroko /beng ba duelela motlakase wa bone ka tlhamalalo go morekisigape /mongsetsha, mme e seng motlamedi wa selegae.
Molao wa reng ka ga thekiso-gape ya motlakase?
Kaelo ya molawana wa mmasepala: Melawana ya mmasepala e kaela gore badirisi ba bofelo (bakopa-boroko/beng) ga ba a tshwanela go bewa mo maemong a a sa kgatlhiseng go na le ao ba ka bo ba le mo go ona, fa motlamedi wa selegae e ka bo e le motlamedi. Bontsi jwa dikarolwana mo melawaneng e e farologaneng ya bommasepala e kaya ka tlhamalalo seo se fitlhelwang ka fa gare ga Molawana 11 wa molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe.
Molawana 11 wa Molao wa Motlakase: Karolo 11 o kaela go re:
Mongwe le mongwe yo o rekisang motlakase o o tlametsweng ke motlamedi gape, mabapi le moreki yo mongwe le mongwe, o tla dira gore motlakase wa go nna jalo o o lekanyediwe ka mitara wa mofuta o o letleletsweng ke Biro ya Maemo ya Aforika Borwa.
Karolo 11 e kaya gore: Seelo se ka sona le maemo a thekiso a motlakase o rekisiwang ka one gape, ga a kitla a nna a a kwa tlase go na le a morekisi a rekiseditsweng ka one ke morekisi, mme morekisi mongwe le mongwe, ka kopo ya moreki mongwe le mongwe o tla mo neela tshedimosetso e e ka nnang botlhokwa go mo kgontsha go tlhomamisa gore a na diakhaonto tse a di amogelang di nepagetse.
Karolo 11 go ya pele e kaya gore molawana o ga o kitla o dira: fa melawana mengwe le mengwe kgotsa melawana ya bothati jwa selegae, e e laolang thekiso gape ya motlakase e mo tirisong;
Thekiso ya motlakase ke motshodi wa laesense kgotsa ke mongwe le mongwe yo, go ya kakelo ya karolo ya Molao, a rebotsweng mo dikaelong tsa karolo eo.
Go ya ka Karolo 11 : boto e ka rebola motlamedi mongwe le mongwe yo, kgotsa karolo ya motlamedi e go ya ka Karolo 6 ya Molao, go tswa mo dikaelong tsa melawana le mme boto e ka nne ya re nako nngwe le nngwe morago ga go bona thebolelo ya go nna jalo ya gogela yotlhe kgotsa karolo ya yona kwa morago ga kitsiso ya bonyane dikgwedi di le thataro ya kgogelomorago ya go nna jalo e se na go neelwa motlamedi kgotsa lephata la botlamedi jo bo maleba.
Ke kelotefo efe e ke tshwanetseng go e duedisiwa ke morekisigape/mong-setsha?
Morekisigape /mong-setsha ga a tshwanela ga a tshwanela go go duedisa go feta seo motlamedi wa selegae a kabo a go biditse, fa ba kabo ba go tlamela ka tlhamalalo. Sekai - fa o le modirisi wa selegae mme motlamedi wa selegae xxxx a duedisa abc /kwh morekisigape /mong-setsha o tshwanetse go go duedisa kelotefo e e lekanang.
Dituediso tsa tshupamolato di tshwanetse go bontsha bokae?
Tshupamolato ya motlakase e tshwanetse go bontsha ditshenyegelo tota tse di leng teng fa o tlamelwa ka motlakase. Dituediso di tshwanetse go bontsha tuediso ya motlakase, e nako nngwe e bidiwang tuediso ya yuniti, e e tlhagisiwang ka kwh le/kgotsa;
Tuediso ya tirelo - e e akaretsang ditshenyegelo tsa morekisi-gape / mong-setsha fa a go tlamela ka motlakase. Tuediso e, e akaretsa palo ya dimitara, dithomelo-molato le ditshenyegelo tse di tlhagelelang fa go dirwa /baakanngwa tshupamolato.
Fa go na le dituediso tse dingwe, di tshwanetse go bontshiwa le go duelelwa go tswa golo gongwe, mme ga di a tshwanela go tsenngwa mo tshupa-molatong ya motlakase.
DIKGATO TSE DI TSHWANETSENG GO TSEWA:
Botsa morekisi-gape /mong-setsha ka ga dituediso tsa gagwe
Tlhaloso e e tletseng ka ga dituediso e tshwanetse go neelwa modirisi. (Fa go se na tlhaloso e e neetsweng - ntlha e e tshwanetse go neelwa motlamedi wa selegae wa motlakase).
Itsise mong-setsha ka ga dikaelo tsa Molao wa Motlakase kgotsa melawana ya mmasepala ka ga ntlha e;
Fa go sa ntsane go se na tharabololo, kopa thuso go tswa go motlamedi wa selegae wa motlakase go netefatsa gore morekisi-gape/mong-setsha o obamela molao wa mmasepala.
Fa bothata bo santsane bo sa rarabololwa, go dirwe eng?
O ka bega ntlha eo kwa NER.
O ka kopa thuso kwa kgotlatshekelo ya ditopo-potlana.
Go fudugela kwa mafelong a mangwe ke boikgethelo jo bongwe le fa e se ntlha e e amogelesegang ka bonako ka ntlha ya mabaka mangwe a a amegang.
Thuso ya NER ke eng mo ntlheng e?
Tsweetswee tlhaloganya gore mosola wa NER mo mabakeng a ke o o lekanyeditsweng jaaka molawana wa mmasepala o ikaegile ka Melawana. Ka jalo NER e bebofatsa tharabololo ya ngongorego /kgotlhang magareng ga morekisi-gape /mong-setsha, modirisi le motlamedi wa selegae.
Mosola wa motlamedi wa selegae ke eng?
Go tshwanetse ga gakologelwa gore motlamedi wa selegae wa motlakase mo mabakeng a a ntseng jaana ke motlamedi wa bofelo gonne motlakase e le tirelo ya botlhokwa.
Mo mabakeng a go nna jaana morekisi-gape o rwala maikarabelo a go tsereganya fa morekisi-gape /mong-setsha a sa obamele dikaelo tsa molawana o o beilweng.
O KA TILA JANG GO KGAOLELWA MOTLAKASE
MOLAO O A RENG KA GA GO KGAOLELWA MOTLAKASE?
Molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe, o letla gore motlamedi wa motlakase a ka kgaolela modirisi motlakase fa a sa duela akhaonto ya gagwe kgotsa a sa obamela mabaka a thebolelo. Le gale molao o batla gore motlamedi wa motlakase a e neele modirisi kitsiso ya malatsi a le lesomenne pele a ka kgaolela modirisi motlakase. Paka eo e simolola fela fa modirisi a amogela kitsiso. Kitsiso e e tlhagelelang mo tshupamolatong ya kgwedi le kgwedi le yona e tsewa e le kitsiso. Ka jalo badidirisi ba kopiwa go tlhokomela se se kwadilweng mo ditshupamelatong tsa bone. Karolo e e laolang ntlha e e mo Quality of Service standard (NRS 047) mme e ikaegile ka karolo ya Molao wa Motlakase o o kailweng fa godimo.
O KA DI TILA JANG
Duelela ditshupamolato tsa gago
Go botlhokwa go duelela ditshupamolato tsa ka botlalo ka dinako tsotlhe. Se se tla thusa gore akhaonto ya gago e se ka ya salela kwa morago. Badirisi ba na le mokgwa wa go duela karolo ya molato go tila go kgaolelwa motlakase. Fa madi a a saletseng kwa morago a sa dulwe mo kgweding e e latelang, kgonagalo ya go retelelwa ke go duela akhaonto ka tlhomamo e a oketsega. Tsweetswee tlhokomela gore go duelela akhaonto ya gago ya motlakase ka dikarolwana go ka lebisa kwa go kgaolelweng motlakase. Fela fa o lemoga gore ga o kgone go duelela molato o o saletseng kwa morago, ikgolaganye le motlamedi wa motlakase wa gago ka bonako, mme o dire dithulaganyo tsa go duela molato.
Diragatsa ditsholofetso tsa gago tsa go duela molato
Fa e le gore o kile wa saena tumalano le motlamedi wa gago ya go tswala molato mo nakong e e fetileng, go mosola go e diragatsa. Fa o retelelwa ke go dira jalo, motlakase wa gago o ka kgaolwa. Fa e le gore maemo a gago a ditšhelete a etegetse thata fela morago ga go saena tumalano o tshwanetse go itsise motlamedi wa gago wa motlakase ka ponyo ya leitlho. Bopaki jwa go fetoga ga maemo a gago bo ka batlega.
Tlhokomela tiriso ya motlakase wa gago
Fa o na le mitara o o tlwaelegileng (o gape o itsegeng jaaka mitara wa go lekanya sekoloto) o tla tshwanela ke go sekaseka diyuniti tse o di dirisang le dipalo tsa gago ka tlhomamo. Mo tshupamolatong nngwe le nngwe go tshwanetse ga bo go na le palelo e e simololang (palelo e e fetileng) le palelo ya bofelo (palelo ya jaanong). O tla tshwanela ke go bona gore a na palelo ya gago ya go bula mo kgweding eo e tshwana le palelo ya go tswala ya kgwedi e e fetileng. Fa dipalelo tse di sa dumalane batla tlhaloso go tswa go motlamedi wa selegae ka ga seo. Babadi ba dimitara ba na le go dira diphoso ka dinako dingwe.
Netefatsa tlhwatlhwa diyuniti tsa gago
Go botlhokwa go itse gore motlamedi wa motlakase wa gago o tshwanetse go go duedisa bokae mo yuniting e le nngwe (kWh) ya motlakase o o o dirisang. Fa o sa itse botsa motlamedi wa gago kgotsa o ka ikgolaganya le National Electricity Regulator go bona tshedimosetso. Go itse gore o duedisitswe bokae mo kgweding eo o tshwanetse go arola palo e e neetsweng e le Diranta ka fa tlase ga kholomo ya motlakase mme o e arole ka palo ya diyuniti tse o di neetsweng mo tshupamolatong. (Diyuniti e tla nna pharologano magareng ga palo e e tswalang le palo e e bulang). Searolo e tla tla nna tuelo ya yuniti e le nngwe.
Akanya go fetolela kwa mitareng wa motlakase o o duelelwang kwa pele
